John 4

Jesu o bua le mosadi wa Mosamarea

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:1-2.
Erile Morena a itse gore Bafarasai ba utlwile kaga bontsintsi jo bo yang kwa go ene go na le kwa go Johane go kolobediwa le go nna barutwa ba gagwe (ntswa Jesu ene ka boene a ne a sa ba kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe).
3A tswa mo Judea mme a boela kwa kgaolong ya Galalea.

4Mme a tshwanelwa ke go ralala Samaria a le mo tseleng. 5
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:6.
6
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:5-6.
Mme erile motshegare wa sethoboloko, fa a atamela motse wa Sikara, a goroga fa Sedibeng sa ga Jakobe se se neng se le mo setsheng sa lefatshe se Jakobe a neng a se neile morwawe Josefe. Jesu o ne a lapisitswe ke go tsamaya mo mogoteng wa letsatsi sekgala se se leele, hong a nna fa thoko ga sediba a lapile thata.

7Mme ka bofefo ga tla mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi, mme Jesu a mo kopa metse a go nwa. 8O ne a le nosi ka nako eo, barutwa ba gagwe ba ile kwa motseng go reka dijo. 9Mosadi a gakgamala gore a Mojuta o ka kopa “Mosamaria yo o nyatsegang” sengwe, ka tlwaelo ba ne ba sa buisanye! Mme a bua kaga selo se le Jesu.

10Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!”

11Mme mosadi a re, “Ga o na segelelo, le gone sediba se se boteng thata! O ne o tlaa tsaya kae metse a botshelo? 12Kwa ntle ga moo, a o mogolo mo go rraarona mogolwagolwane Jakobe? O ka mpha metse a a botoka jang go na le a Jakobe le bo morwawe le dikgomo tsa bone di a noleng ka boitumelo?”

13Jesu a fetola a re, “Batho ba tshwarwa ke lenyora ka bofefo fa ba sena go nwa metsi a. A ke a ba nayang, a nna motswedi wa bosakhutleng mo go bone. 14Mme metsi a. A ke a motswedi o o ba nose-tsang ka metlha ka botshelo jo bo sa khutleng.” 15Mme mosadi a mo raya a re, “Tswee-tswee rra, nnosa metsi ao! Hong ga ke na go tlhola ke nyorwa gape, le fa e le go tsamaya mosepele o moleele o wa go tla go ga metse fano malatsi otlhe.” 16Mme Jesu a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tla le monna wa gago.”

17
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:18.
18
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:17-18.
Mme mosadi a mo fetola a re, “Kana ga ke a nyalwa.” Jesu a re, “O bua boammaaruri Ka gore o kile wa nna le banna ba le batlhano, mme monna yo o nnang le ene gompieno jaana ga a go nyala.”

19Mme mosadi a mo raya a re, “Rra, o tshwa-netse wa bo o le moporofiti. 20Mme he, mpolelela, ke eng fa lona Bajuta lo re Jerusalema ke lone fela lefelo la kobamelo-Modimo, fa rona Basamaria re re ke fano [mo Thabeng ya Gerasime] kwa borraa-rona mogolwagolwane ba neng ba obamela teng?” 21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:24.
22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:24.
23
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:24.
24
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:21-24.
Jesu a fetola a re, “Nako e e tla, mma, fa re tlaa bong re sa tlhole re tshwenyega ka gore a re obamela Rara fano kgotsa mo Jerusalema. Gonne ga go mo go reng re obamela kae, fa e se gore re obama jang, ebong gore a kobamelo ya rona ke ya semowa le ya boammaaruri? A re na le thuso ya Mowa O O Boitshepo? Gonne Modimo ke Mowa, jalo re tshwanetse go nna le thuso ya one go o obamela jaaka re tshwanetse. Rara o batla one mofuta o wa kobamelo mo go rona. Mme lona Basamaria lo itse go se kae fela kaga gagwe, lo obamela ka bofofu fa rona Bajuta re itse gotlhe kaga gagwe, gonne poloko e tla mo lefatsheng ka Bajuta.”

25Mosadi a re, “Go siame, le fa go ntse jalo ke itse gore Mesia o tlaa tla, yo ba mmitsang Keresete, mme fa a tla o tlaa re tlhalosetsa sengwe le sengwe.” 26Hong Jesu a mo raya a re, “Ke nna Mesia!” 27Mme erile gone foo fela barutwa ba gagwe ba goroga. Ba gakgamalela go mmona a bua le mosadi, mme le fa e le ope wa bone a se ka a mmotsa gore ke eng.

28
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:29.
29
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:28-29.
Mme mosadi a tsamaya a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi fa thoko ga sediba a boela kwa motseng mme a feta a bolelela mongwe le mongwe jaana, “Tlang lo bone monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke neng ke tshela ke se dira! A e ka ne e le ene Mesia?”
30Mme batho ba motse ba tla ba tsositse modumo ba ya go mmona. 31Erile ka lobakanyana fa mosadi a sa ntse a ile go bolelela batho kwa motseng, barutwa ba sala ba leka go kgothaletsa Jesu go ja. 32Mme Jesu a ba fetola a re, “Nnyaa, ke na le dijo tse lo sa itseng kaga tsone.” 33Mme barutwa ba botsanya ba re, “Yo o di mo lereditseng ke mang?”

34Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One. 35A lo gopola gore tiro ya thobo ga e na go simolola go fitlhelela selemo se fela mo dikgweding tse nne go simolola jaanong jaana? Lebang mo tikologong! Masimo a magolo a e leng mewa ya batho, a simolola go butswa mo tikologong yotlhe ya rona, ebile a setse a ka rojwa. 36Barobi ba tlaa duelwa tuelo e ntle, mme ba tlaa phuthela mewa e e bolokwang mo difalaneng tsa legodimo! Ke boitumelo jo bogolo jang jo bo letileng mojadi le morobi! 37Gonne ke boammaaruri gore mongwe o a jala mme yo mongwe o a roba. 38Ke lo romile go roba kwa lo sa jalang teng; ba bangwe ba dirile tiro ya bone mme lona lwa amogela thobo.”

Batho ba Samarea ba dumela mo go Jesu

39Batho ba le bantsi ba ba tswang mo motseng wa Samarea, ba dumela gore ke Mesia ka ntlha ya polelo ya mosadi e e reng, “O mpoleletse sengwe le sengwe se ke neng ke aga ke se dira!” 40
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:41.
41
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:40-41.
Erile ba ya go mmona kwa sedibeng, ba feta ba mo kopa go ya go nna mo motseng wa bone; mme a dira jalo, a nna malatsi a le mabedi, a a neng a lekanye ba le bantsi go dumela mo go ene ba sena go mo utlwa.

42Mme ba raya mosadi ba re, “Jaanong re a dumela gonne re mo ikutlwetse, e seng fela ka ntlha ya se wena o se re boleletseng. Ke ene tota Mmoloki wa lefatshe.”

43
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:44.
44
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:43-44.
Erile a sena go nna malatsi a mabedi, a ya Galalea fela jaaka a ne a tle a re, “Moporofiti o tlotlega gongwe le gongwe fa e se fela mo lefatsheng la ga gabo!”
45Mme Bagalalea ba feta ba mo amogela sentle ka diatla tsoo pedi gonne ba ne ba le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo le gore ba ne ba bonye dikgakgamatso dingwe tsa gagwe.

Jesu o fodisa lekawana la motlhanka wa kgosi

46
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 4:47.
47
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 4:46-47.
Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata, a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo.

48Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?”

49Kgosana ya mo rapela ya re, “Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa.”

50Mme Jesu a mo raya a re, “Boela kwa gae. Morwao o fodile!” Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae. 51Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng. 52A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, “Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!” 53Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, “Morwao o fodile.” Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia.

54Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea.
Copyright information for TsnLEF